
WPR Cohort: 2024
Language: Setswana
Genre: Short story
Padi ka ga mosetsana yo rraagwe a mo tlogetseng a santse a le lesea mme seo sa kopakopanya kgolo ya gagwe. Mo pading e re utlwa sello sa mosetsana yo o llelang lorato lwa ga rragwe,re utlwa gape a lla a godile, e le mosadi,a belege ngwana wa mosetsana mme le rraagwe ngwana a tsene ka lenga la seloko. Ruri go bona ngwana wa mosetsana a gola a sena rre ke tlhobaboroko.
Buy on Kobo
Olerato Masilo ke lekgarebe la dingwaga di le 22 la kwa motsaneng wa Sandfontein, kwa porofenseng ya Bokone Bophirima. E sale a ntse a rata go kwala go tloga a dira mophato wa borobongwe kwa sekolong se se golwane sa Tidimane. O ne a kwala jalo maboko le dikgankhutswe. Toro ya gagwe e ne e le go ka ipona e le mokwadi yo o itsegeng thata. Go nna mokwadi yo o itsegeng ke sona fela selo se a saleng a se labalabela go tloga ka nako eo a boning kgatlhego mo go kwaleng ka yona. Le fa go le jalo, ke mokwadi yo o ratang thata go kwala ka loleme la gaabo la Setswana le ka Sejatlhapi.
