
WPR Cohort: 2018
Language: Setswana
Genre: Short story
Mo botshelong re kopana le dintsanantsana, dikgwetlho nako dingwe tswina. Tsotlhe tseno ke tsona di dirang seno seo re se bitsang botshelo. Di natetsha botshelo, ga go phoso le eseng go natefelwa ke botshelo. Mme re tlaa boa re bua ke monate wa botshelo. Botlhoko jwa one leriata le boa ka kwano. Bo ipoeletse botshelo go ba bangwe bo nne bosula, botlhoko le mahutsana fela.
Buy on Kobo
Ke moitseanape wa tsa puo yo o dirang tiro ya go ranola ka go ithaopa. Ke thapilwe jaaka Morutabana kwa sekolong se segolo kwa Gauteng. Mokgele wa me fa ke tlogela tiro ke go nna mokwadi wa nako e e tletseng. Ke amegile thata ka setso, go sireletsa tlhago le go aga setšhaba. Gape ke nna le seabe mo dithulaganyong di le dintsi tsa go thusa setšhaba. Ke rre yo o motlotlo yo o nang le bana ba le babedi ba basetsana le lekau le le lorato. Sa bofelo, ke nna wa bofelo go tsholwa mo lelapeng la bana ba le robedi. Go ipelela masego a go nna le batsadi ba me ba babedi ba ba tsofetseng thata.
