
WPR Cohort: 2025
Language: Setswana
Genre: Short story
O Tshabe Motho e bua ka lerato, sekgopi, tsietso le ditlamorago tsa tsietso mo dikamanong. Maano o ne a rata mosadi wa gagwe thata, mme tsotlhe tse, di ne tsa fetolwa ke bosigo bongwe fa a ne a tebela se a neng a ithaya a re ke legodu le le tlhasetseng kwa ga gagwe. Nko go se dupe, legodu le, e ne e le sephiri se segolo se se neng sa mo utlwisa botlhoko.
Buy on Kobo
Jesaya Baloyi ke mokwadi yo o tsholetsweng le go golela kwa torotswaneng ya Brits kwa Bokonebophirima. Morago o ne a fudugela kwa Atteridgeville go ya go tsweletsa lerato le kgatlhego ya gagwe ya botlhami le botsweretshi. O ne a simolola go kwala le go tlhagisa metshameko ya serala. Lerato la gagwe la botsweretshi le boitapoloso le mo fitlhisitse kwa Letlhabile Community Radio koo a neng a dira jaaka mogasi, motlhagisi le motsamaisi wa mananeo.
